BUKANA GO YA KA KAROLO YA MOLAO WA TLHATLOSO YA PHITLHELELO YA TSHEDIMOSETSO YA 2000 (MOLAO WA 2 WA 2000)
PULAMADIBOGO...3
KGAKOLOLO GO KHOMISENE YA DITSHWANELO TSA BOTHO YA AFRIKA BORWA MALEBANA LE GO DIRISA MOLAO...3
DITIRO LE SEBOPEGO SA FBDM...3
Ditiro tsa setlamo sa botlhe...4
Sebopego sa setheo...5
DINTLHA TSA KGOLAGANO...6
Batlhankedi ba Tshedimosetso...6
TLHALOSO YA DIKAROLO TSEO FBDM E TSHOTSENG DIREKOTO MO GO TSONA...7
DIREKOTO TSE KA TLHAMALLO DI LENG TENG Karolo 141e...7
Direkoto...8
MOKGWA WA GO KOPA TSHEDIMOSETSO...8
Mohuta wa kopo...8
Ditsela tse di latelwang...8
DITERELO TSE DI KA BONWANG GO LATELA KAROLO YA 141F...9
Mohuta wa ditirelo...9
O KA FITLHELLA JANG DITIRELO TSENO...11
Tsela ya go dira kopo...11
Dituelo...12
DIPHEKOLO TSE DI LENG TENG MALEBANA LE GO RETELELWA KE GO BONA/GO GANELWA KA TSHEDIMOSETSO...13
Go ganela kopo...13
Boikuelo...14
DITHULAGANYO MALEBANA LE GO DUMELLA TSEOKAROLO YA SETJHABA MO GO RALENG PHOLISI LE TIRISO YA MATLA KAROLO YA 141G...14
NTJHAFATSO YA BUKANA KAROLO YA 142...15
GO BONWA GA BUKANA KAROLO YA 143...15
PULAMADIBOGO
Molao wa Tlhatlhoso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso, Molao wa 2 wa 2000 ( o kailweng fano e el "PAIA", kgotsa "Molao" ka go fetoga) ke molao wa bosetjhaba o neelang ka dithata tsa go bona tshedimosetso go latela molaotheo. PAIA e dirileng lantlha ka 9 Tlhakubele 2001, ntle le Karolo ya 10, 14, 15 le 51, tse di dirileng lantlha ka 15 Tlhakole 2002.
Karlolo ya 14 ya Molao e tlama ditlamo tsa setjhaba go rulaganya Bukana e tlang go thusa batho go fithlella tshedimosetso e mo polokelong ya setlamo sa setjhaba mme e tlhalosa le gore e tshwanetse go fitlhella boemo bofe.
Maitlhomo le maikaelelo a Bukana eno ke go nna kaedi tebang le ka fao setjhaba se ka fitlhelelang tshedimosetso e tshotsweng ke Masepala wa Karolo ya Frances Baard (FBDM) go latela Karolo ya 14 ya Molao.
KGAKOLO GO KHOMISENE YA DITSHWANELO TSA BOTHO YA AFRIKA BORWA MALEBANA LE GO DIRISA MOLAO
Karolo ya 10 ya PAIA e tlama Khomisene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Afrika Borwa go rulaganya bukana e bonolo malebana le tiriso ya Molao wa Tlhatloso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso.
Kgatiso ya electroniki ya Bukana eno e tla bolokwa mo websaeteng ya Khomisene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Afrika Borwa, www.sahrc.org.za mme e ntjhafatswa kgwedi nngwe le nngwe gore setjhaba se dule se mo dinakong ka ditiragalo tsa seshweng le diphetogo tebang le dintlha tsa kgolagano tsa batlhankedi ba tshedimosetso ba ditlamo tsa setjhaba le tshedimosetso ka kakaretso malebana le PAIA.
Dikgatiso tsa Bukana eno di ka bonwa ka diteme tsotlhe tsa puso mo diofising tse di latelang:
Ofisi ya Batlhankedi ba tshedimosetso ba ditlamo tsa setjhaba
Diofisi tsotlhe tsa Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo
Kaseteng ya Puso
DITIRO LE SEBOPEGO SA FBDM
Masepala wa Karolo ya Frances Baard e itlama go fitlhelela le go ntlafatsa ditirelo go baagi le go ntlafatsa maemo a botshelo a baagi ka go:
Tlhatlhosa Tlhabololo ya Loago le Moruo;
Neelana ka ditirelo tse maleba ka tuelo tse tlase;
Dirisa didiriswa ka tsela e maleba ka ditshenyegelo tse di tlase;
Batsayakarolo le Tseokarolo ya Baagi ya Temokrasi"
Ditiro tsa setlamo sa botlhe
Ditirelo tsa Masepala wa Karolo ya Frances Baard go latela Karolo ya 156 le 229 ya Molaotheo wa Afrika Borwa (Moalo wa 108 wa 1996) mme di tlhaotswe go Karolo ya 5 Molao wa Ditheo tsa Masepala 117 wa 1998 ke:
Masepala wa setereke o thswanetse go fitlhelela tlhabololo ya setjhaba le moruo e golaganeng, e lekananng mme e le ya leruri mo karolong yotlhe ya one ka go -
netefatsa thulaganyo e lomaganeng ya tlhabololo mo seterekeng sotlhe;
matlafatsa tlhabololo ya mafaratlhatlha le ditirelo mo seterekeng;
and godisa bokgoni jwa bomasepala mo karolong ya one go ka dira ditiro tsa bone le go diragatsa matla a one moo bomasepala ba gaellwang teng;
matlafatsa kabelano ya didiriswa go bomasepala be selegae ka go lekana go ka netefatsa fa bomasepala ba fitlhella boemo jo bo maleba jwa ditirelo"
Masepala wa setereke o na le ditiro le matla malebana le;
mafelo ao go lattlhelwang leswe go one mo masepaleng wa setereke ii ditsela tsa masepala tseo e leng karolo ya dithulaganyo tsa ditsela tse di mo sebakeng sa masepala wa setereke iii taolo ya ditirelo tsa dipalangwang tsa badirisi ba dipalangwang boemelafofane ba masepala jo bo direlang masepala wa setereke ditirelo tsa twantsho ya melelo tse di direlang masepala wa setereke vi tlamela le go laola dimaraka tsa dijo le mafelo a botlhabelo jwa diphologolo a direlang karolo e kgolo ya bomasepala ba bal eng mo seterekeng vii tlamela le go laola mabitla le mafelo a go fisetsa diripa a mo karolong e kgolo ya masepala wa setereke viii tlhatlhoso ya Bojanala jwa selegae mo mafelong a masepala wa setereke ix ditirelo tsa setjhaba tsa masepala tse di amanang le ditiro tse di kailweng fa godimo kgotsa ditirelo dinngwe tse e leng tsa masepala wa setereke.
Sebopego sa Setheo
FBDM e rulagantswe go ya ka sebopego sa sepolotiki le sebopego sa botsamaisi a Sebopego sa Sepolotiki
Komiti ya Ratoropo
Tlhabololo ya Pholisi le Setheo
Tlhabololo ya Mafaratlhatlha
Tlhabololo ya Loago
Tlhabololo ya Moruo
Matlotlo
Dikomiti
Molao wa Ditheo tsa Masepala o neelana ka tetla ya go rulaganya Komiti ya Ratoropo le Dikomiti-potlana. Ditokololo tsa Komiti ya Ratoropo ke baduladitulo ba dikomiti tse di farologaneng.
Mr. P.N Jammer (Tlhabololo ya Mafaratlhatlha)
Ms M.M Moloi (Tlhabololo ya Loago)
Mr. B Maribe (Tlhabololo ya Moruo)
b Sebopego sa Botsamaisi
Ofisi ya Motsamaisi wa Masepala
Bokaedi ba Botsamaisi
Bokaedi ba Matlotlo
Bokaedi ba Dithulaganyo & Tlhabololo
Bokaedi ba Ditirelo tsa Mafaratlhatlha
DINTLHA TSA KGOLAGANO
Mogala: +27 53 838 0911
Batlhankedi ba Tshedimosetso
Dintlha tsa kgolagano tsa Motlhankedi wa Tshedimosetso
Motlhankedi wa Tshedimosetso: Mr. Thabo Nosi
Motsamaisi wa Masepala
Mokaedi: Botsamaisi
TLHALOSO YA DIKAROLO TSEO FBDM E TSHOTSENG DIREKOTO MO GO TSONA
a Difaele tsa tlhaeletsano
Molao
Go thewa, go fediswa le go aroganngwa ga Makgotla
Dirolo tsa bakgethi, dikgetho le Balekgotla
Makgotla le Dikomiti tsa Makgotla: go thewa le dikopano
Taolo ya Setheo
Matlotlo
Didiriswa tsa selegae, ditirelo, mafelo le dikago
Badiredi
Dipegelo, dikarabo le dipalopalo
Dipapatso, tshedimosetso, matshwao le diphasalaso
Meletlo le dikopano tsa setjhaba
Dikopano tsa ditheo le ditiragalo tse ding
Tsamaiso ya Bosiamisi
Thulaganyo, karolo ya mmu le taolo ya dikago
Ditirelo tsa botlhokwa
Ditirelo tsa Loago b Dikanego tsa matlotlo c Badiredi d Dintlha le Metsotso e Rejisetara f Dinepe g Ditokomane tsa sebopego l h Difilimi, dibidio le kgatiso tsa modumo i Dikgatiso tsa elektroniki j Direkoto tse di sentsweng
DIREKOTO TSE KA TLHAMALLO DI LENG TENG Karolo 14 (e)
Tshedimosetso e latelang e ka bonwa ntle le go dira kopo go latela Molao. Fa Dikhopi di lekane, direkoto di ka bonwa mahala mme fa di fedile tuelo ya go di gatisa e ka duwelwa. Tse ding tsa direkoto di ka fitlhellwa mahala mo websaeteng ya FBDM ya www.francesbaard.org.za
Direkoto
Dipegelo
Dibukana
Diphamfolete
Dipampitshana
Makwalodikgang
MOKGWA WA GO KOPA TSHEDIMOSETSO
Mokopi o tshwanetse go newa tetla ya go fitlhella rekoto ya setheo sa setjhaba fa mokopi a ikobela tse di latelang:
Fa mokopi a ikobela ditlhokego tsotlhe tsa thulaganyo tse di mo Molaong tse di amanang le kopo ya go fitlhella rekoto eo
Phitlhello ya rekoto eo e sa ganelwe ka ntlha ya ya mabaka ape fela a go gana a a kailweng mo Karolong ya 4 ya Molao.
Mohuta wa kopo
Mokopi o tshwanetse go dirisa foromo e gatisitsweng mo Kaseteng ya Puso [Kitsiso ya Puso ya R187 ya 15 Tlhakole 2002, Foromo ya A] le mo websaeteng ya Masepala wa Karolo (www.francesbaard.org.za)
Ditsela tse di latelwang
Mokopi o tshwanetse go tlhalosa gore a o batla khopi ya rekoto, gongwe o eletsa go tla go lebelela rekoto kwa dikantorong tsa setheo sa setjhaba. Go seng jalo, fa rekoto e se sekwalwa se se mo pampering, e ka lebelelwa ka sebopego se se kopilweng, fa go kgonega S 292
Fa motho a kopa rekoto ka sebopego se se rileng, mokopi o tshwanetse go bona phitlhelelo ka sebopego seo. Seno se dirwa fa fela e le gore go dira jalo ga go kitla go kgorelatsana le tsamaiso ya setheo sa setjhaba se se amegang, gongwe go senya rekoto, gongwe go gataka tetlokhopi e e sa tsholwang ke puso. Fa e el gore ga go kgonagale gore phitlhelelo e rebolwe ka sebopego se se kopilweng, mme e ka rebolwa ka sebopego se sengwe, go tshwanetse ga balelwa tefiso go ya ka sebopego se mokopi a se kopileng kwa tshimologong. s 293 le 4.
Fa e le gore, go tlaleletsa mo karabong e e kwadilweng ya kopo ya rekoto, mokopi o eletsa go itsiswe tshwetso ka tsela nngwe gape, sekai, ka mogala, seno se tshwanetse go tlhagisiwa s 182e
Fa mokopi a dira kopo mo boemong jwa motho yo mongwe, o tshwanetse go tlhagisa seemo se mokopi a dirang kopo ka sona s 182f
Fa mokopi a sa kgone go buisa kgotsa go kwala, gongwe a sa itekanela mo mmeleng, kopo e ka diriwa ka molomo. Motlhankedi wa Tshedimosetso o tla tswanelwa ke go tlatsa foromo mo boemong jwa mokopi yoo mme a mo neye khopi ya foromo e e tladitsweng s 183
Go mehuta e mebedi ya dituelo tse di tlhokagalang go latela Molao, ke tuwelo ya kopo le tuelo ya phitlhelelo s22:
Mokopi yo o dirang kopo ya phitlhelelo ya rekoto e e nang le tshedimosetso ya gagwe ya sebele ga a tlhoke go duela tuelo ya kopo. Mokopi yo mongwe fela o tshwanetse go duela tuelo ya kopo e tlhokagalang:
Motlhankedi wa Tshedimosetso o tshwanetse go itsise mokopi (ntle le fa e le mokopi wa sebele) ka kitsiso, gore o tshwanetse go duela tuelo ya kopo e e rebotsweng (fa e le teng) pele ga go tswelelwa ka kopo.
Mokopi o tshwanetse go duela tuelo ya kopo ya bokana ka R35 malebana le ditheo tsa setjhaba. Mokopi a ka dira boikuelo jwa fag are, fa go le maleba, gongwe a dira kopo ya kgotlatshekelo kgatlhanong le tshenkelo kgotsa tuelo.
Morago ga gore Motlhankedi wa Tshedimosetso a tseye tshweetso malebana le kopo, mokopi o tshwanetse go itsisiwe ka tshweetso eo ka tsela e mokopi a batlileng go itsisiwe ka yona.
Fa kopo e rebotswe, gona go tshwanetswe go duelwa tuelo e nngwe ya go tlhagisa gape le ya go batla le go baakanya, mo nakong nngwe le nngwe e e tlhokegang e e fetang diura tse di beilweng tsa go batla le go baakanya rekoto e e tshwanetsweng go senolwa.
DITIRELO TSE DI KA BONWANG GO LATELA KAROLO YA 141F
Mohuta wa ditirelo
Malebana le FBDM go akaretsa ditirelo tse di malebana le tsela eo sebopego sa FBDM se tlhaloswang ka teng:
Lekgotla le Dikomiti
Dikomit-potlana di kopana kgwedi le kgwedi go rala ditshisinyo tse di lebisiwang go Komiti ya Ratoropo, e e le yone e kopanang ka kgwedi go anegela Lekgotla ditshisinyo. Mokgwa o o matlafatsa dipuisano mo dintlheng tsotlhe.
Ofisi ya Motsamaisi wa Masepala
Boikarabelo jwa Motsamaisi wa Masepala ke aga tsamaiso e tlhabologileng, e maleba e nang le boikarabelo go latela Molao wa 32, 2000 wa Dithulaganyo tsa Masepala le melawana e mengwe e amang Masepala. Ofisi ya Motsamaisi e akaretsa Thuno ya fa Gare, Ditlhaeletsano le Ditirelo tsa Dikomiti.
Bokaedi ba Tsamaiso
Lefapaha leno le neelana ka ditirelo tsa tsamaiso e maleba go masepala malebana le ditiro tse di latelang:
Ditirelo tsa Setlamo
Ditirelo tsa Tshegetso
Pholo ya Tikologo
Tlhabololo ya Loago
Thekenoloji ya Tlhaeletsano
Bokaedi ba Matlotlo le Botsamaisi (Matlotlo)
Lefapha le neelana ka ditirelo tsa matlotlo tse di akretsang:
Lotseno & Tiriso ya Matlotlo
Taolo ya Dijanaga
Tekanyetsokabo & Ofisi ya Matlotlo
Pegelo ya Tekanyetsokabo le Matlotlo
Ditirelo tsa Tshegetso tsa Masepala
Taolo ya Tlamelo ya Ditirelo
Bokaedi ba Dithulaganyo le Tlhabololo
Dithulaganyo
Dithulaganyo tsa Motse
Taolo ya Tiro
Taolo ya Matlhotlhapelo & Taolo ya Melelo
Taolo ya Tiriso ya Mmu
Bokaedi ba Ditirelo tsa Mafaratlhatlha
Dipaakanyo (Ditirelo tsa Ntle)
Matlo
Taolo ya Diporojeke & Ditirelo tsa Boeletsi
Ditirelo tsa Tshegetso tsa Masepala
O KA FITLHELLA JANG DITIRELO TSENO
Tsela ya go dira kopo
Kgato ya 1: Kopo
Fa motho a eletsa go fitlhelela tshedimosetso e e mo FBDM, motho ono o tshwanetse go dirisa foromo e siametseng kopo eno go ka fitlhelela tshedimosetso eno. Formo eno e kabonwa mo websaeteng ya FBDM www.francesbaard.org.za, kgotsa a ka e kopa go tswa go Motsamaisi wa Masepala ka Mogala: 053 - 838 0996.
Foromo e tladitsweng e ka romelwa go:
Mr. Thabo Nosi
Kgato ya 2: Tshekatsheko le Kitsiso ya Kamogelo
Motlhankedi wa Tshedimosetso o amogela kopo mme a e sekaseke go ka netefatsa fa tshedimosetso e kopiwang e le teng mo FBDM. Kopo e a amogelwa, e ganwe kgotsa e fetisetswe moo tshedimosetso e bolokilweng teng. Lekwalo le le netefatsang go amogelwa ga kopo le romelwa go mokopi go ka netefatsa boemo jwa kopo ya gage.
Kgato ya 3: Thulaganyo ya Tshedimosetso
Fa kopo e amogetswe, FBDM e tla rulaganya le go baakanya tshedimoetso eno le go kopanya ditshenyegelo. Ditshenyegelo di balwa go latela serapana sa 9.2.
Kgato ya 4: Kitsiso ya Bofelo
Mokopi o tla itsisiwe ka go feletswa ga kopo ya gage le dituelo tse a tshwanetseng go di duela FBDM.
Kgato ya 5: Tuelo le neelano ya tshedimosetso
Gangwe fela fa tuelo e kailweng mo Kgatong ya 4 e duetswe (go latela mokgwa wa tuelo o kailweng mo Kgatong ya 1), tshedimosetso e neelwa mokopi.
Tshedimosetso ka kakaretso
Foromo e tshwanetse go tladiwa ka dintlha tsotlhe go ka kgontsha Motlhankedi wa Tshedimosetso go tlhaloganya:
Direkoto tse di kopiwang;
Go itse Mokopi
Ke phitlhello ya mohuta mang fa e le gore kopi eno e amogetswe
Aterese ya Poso le Fax ya mokopi.
FBDM e tla rulaganya kopo mo malatsing a le 30, ntle le fa mokopi a neelane ka mabaka a mangwe a ka kgotsofatsang Motlhankedi wa Tshedimosetso gore go se ikamagangwe le nako fa godimo. FBDM e ka feta nako ya malatsi a 30 fa e le gore mabaka a pateletsa seo, jaaka bontsi jwa tshedimosetso, mme fela nako e ka se okediwe ka malatsi a fetang a 30. Ga go tlhokagala katoloso ya nako FBDM e tla itsise mokopi ka lekwalo.
Fa mokopi a dira kopo mo boemong jwa motho yo mongwe, o tshwanetse go tlhagisa seemo se mokopi a dirang kopo ka sona. Fa mokopi a sa kgone go buisa kgotsa go kwala, gongwe a sa itekanela mo mmeleng, kopo e ka diriwa ka molomo. Mokopi o tla duela tuelo e kailweng pele go ka tswelelwa pele ka paakanyo ya kopo ya gagwe.
Dituelo
Molao o dumella mehuta e mebedi ya tuelo a andTuelo ya kopo e lekanang, le b .Tuelo ya phitlhelelo, e tshwanetseng go ka akaretsa le ditshenyegelo tsa go baakanya, go batla le go tlhagisa gape, nako le ditshenyegelo tsa poso.
Fa kopo e amogelwa ke Motlhankedi wa Tshedimosetso, Motlhankedi ono o tla itsise mokopi le fa e se mokopi wa sebele, go duela tuelo e dumeletsweng (fa e le teng) pele a ka rulaganya kopo. Fa e le gore go batla direkoto tseno go feditswe, go akaretsa le dipaakanyo tsa gore e fitlhellwe ka mokgwa oo e kopilweng ka one, go tlhoka nako ya diura tse di fetang tse di dumelletsweng, Motlhankedi o tla itsise mokopi gore a duele karolo nngwe ya tuelo ya phitlhelelo e tshwanetseng go duelwa fa kopo e amogelwa.
Fa e le gore bontlha bongwe jwa tuelo ya kop obo setse bo duetswe malebana le kopo e ganediwang, Motlhankedi wa Tshedimosetso o amegang o tshwanetse go duela mokopi tuelo ya gawe.
a Khopi nngwe le nngwe ya tsebe ya bogolo jwa
A4 gongwe karolo ya yone ... 0,60
b Khopi nngwe le nngwe e gatisitsweng ya tsebe ya bogolo jwa
A4 gonngwe karolo ya yone e e tshotsweng mo khomputareng gonngwe ka sebopego sa eleketeroniki gonngwe se se buisegang mo motjhining ... 0,40
c Khopi e mo sebopegong se se buisegang mo khomputareng mo -
d i Kgatiso ya ditshwantshopono, tsebe ya bogolo jwa A4 gonngwe karolo ya yone 22,00
e i Kgatiso ya rekoto ya kutlo, tsebe ya bogolo jwa A4 gonngwe karolo ya yone ... 12,00
ii Khopi ya rekoto ya kutlo... R17,00
Go batla le go baakanyetsa rekoto go senolwa, R15,00 ura nngwe le nngwe gongwe karolo y aura, go sa akarediwe ura ya ntlha, e go amogelesegang gore e tkhokega go batla le go baakanya
Tuelo ya nnete ya go posa e duelwa fa go tlhokega gore khopi ya rekoto e posediwe mokopi.
DIPHEKOLO TSE DI LENG TENG MALEBANA LE GO RETELELWA KE GO BONA/GO GANELWA KA TSHEDIMOSETSO
Go ganela kopo
Mabaka a botlhokwa ao ka one FBDM e ka ganelang kopo ya tshedimosetso a akaretsa:
Tshireletso ya monngwe o e leng motho wa sebele o sa amegeng mo go direng kopo eno, go ka akaretsang go senolwa ga tshedimosetso e malebana le botho jwa motho ono;
Tshirelstso ya tshedimosetso e malebana le kgwebo ya monngwe yo o sa amegeng mo kopong eno, fa tshedimosetso e akaretsa:
sephiri sa kgwebo ya monngwe ono party;tshedimosetso malebana le matlotlo, kgwebo, kico ya saense kgotsa tshedimosetso eo tshenolo ya yone e ka gobatsang dikgatlegelo tsa kgwebo gonnwe tsa matlotlo a monngwe ono.
Tshedimosetso e rebotsweng ka botshepegi ke monggwe yo o sa amegeng mo kopong eno go FBDM, fa tshenolo eno e ka baya boemo jwa monngwe ono mo kotsing malebana le dipuisano tsa kgwebo.
Tshireletsego ya batho le dithoto
Tshireletsego ya direkoto tse di sa senolelweng botlhe go latela tsamaiso ya molao.
Tshedimosetso malebana le matlotlo, kgwebo, kico ya saense le thekenoloji eo tshenolo ya yone e ka gobatsang dikgatlegelo tsa kgwebo tsa FBDM.
Lenaneo la khomputara la FBDM le le sireleditsweng ke molao
Tshedimosetso ya dipatlisiso ya FBDM eo tshenolo ya yone e ka senolang FBDM, mmatlisisi gongwe ntlha ya dipatlisiso mme e ka baya dipatlisiso mo boemong jo bo kotsi.
Kopo ya tshedimosetso e sa tlhamallang kgotsa e bakang go dirisiwa ga didirisiwa ka tsela e sa tlhokagaleng e tla ganelawa.
Boikuelo
FBDM ga e na dithulaganyo tsa boikuelo tsa fag are. Go tla kopiwa makgotlatshekelo malebana le dikgato tse di sa ikamaganyeng le Molao ke ditheo tseno. Seno se tla ama boikuelo bonngwe le bonngwe bo tla diriwang ke mokopi tebang le tshwetso ya Motlhankedi wa Tshedimosetso. Le fa go kailwe dithulaganyo tsa boikuelo tsa mo teng, tsone di ka diragatswa ga fela kgonagalo ya go di dirisa e le teng mo Setheong.
DITHULAGANYO MALEBANA LE GO DUMELLA TSEOKAROLO YA SETJHABA MO GO RALENG PHOLISI LE TIRISO YA MATLA KAROLO YA 141G
Mo FBDM, dithulaganyo tse malebana le tseokarolo ya setjhaba di akaretsa:
Tseokarolo ya Loago, setjhaba le ditlamo tse dingwe tse di nang le kgatlego.
le mananego a thutelatirong - Go teng leano la go thapa malebana le diphatlhatiro tseno
NTJHAFATSO YA BUKANA KAROLO YA 142
GO BONWA GA BUKANA KAROLO YA 143
Bukana eno e ka bonwa ka diteme tse tharo tsa semmuso, e bong: English, Afrikaans le Setswana mo mafelong a molao go latela Karolo ya 6 ya Molao wa Kamogelo ya Ditokomane tsa Molao, wa 54 wa 1997.
